Fa motho a itse petse, o tla itse gore ga se lefelo le go tshamekelwang gaufi le lona. Padi e
e ntse jalo. E boteng jaaka petse, mme e tlhoka gore mmadi wa yona a e buise a bofile
ditlhako sentle. E ka kgobera maikutlo a mmadi kwa botennyeng le go mo gwetlha go
ipona le go ipatlisisa mo go yona. E ka nna segakolodi mo bathong ka kakaretso.
Lerato le lentle; le monate; le bile le a ratega. Fela fa o sa nne tsebentlha, wa itota, le tle
le nne diphatsa, le tsenye motho mo dipharagobeng. Ngwana wa mosetsana o na le go
butswetsa moratano pele ga wa mosimane. Go fitlhelwe e re fa a di fatlhogela, a bonwe a
ithuta pele ka basimane ba bagolo mo go ena mme moragonyana a boe a je mokaragana
le dithaka tsa gagwe.
Go tle go bonwe monnamogolo a taboga le magammana, go bo go twe ga a na maitseo. Go
lebalwe gore mo botshelong, monna o a tle a nyale mosadi a fetwa ke gofejane wa gagwe
ka dingwaga. Ga se botlhokatsebe kana maitsholo; ke botshelo, bo ntse jalo. Re a bo re
retelwlwa ke go bo tlhaloganya.
Mmadi, ke go laletsa go buisa padi e ka kelotlhoko,
mme o ithute sengwe mo go yona

Di Tibang ka Tlhogo Petseng ga di na Boyo
R60,83
Authors | |
---|---|
Language | |
Copyright | |
Publisher | |
ISBN | 9781928298038 |
Number Of Pages | 184 |
File Size | 10.05 mb |
Format | |
Edition | 1 |
Published | 11-10-2016 |
Reviews
There are no reviews yet.